Go ya ka Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, wa 1996 ( Molao wa 108 wa 1996 ), mongwe le mongwe o na le tshwanelo malebana le madi a thuso a tshireletso ya loago fa a sa kgone go itlamela.
Madi a thuso ke madi a mo seatleng a a tswang kwa Pusong mme a lebisiwa kwa go batho ba ba sa kgoneng go itlamela. A neelwa batho ba ba humanegileng go itlamela ka dilo tse di botlhokwa le go tsweletsa ditlhokwa tsa boitshediso. Madi a thuso a a neelwa go tshegetsa maikaelelomagolo a Lefapha e leng go maatlafatsa bahumanegi le go babalela botshelo jo bo botoka go batho ba ba tlhokang.
Fa go diriwa kopo ya thuso ya loago, matlotlo a mokopi le a mokapelo kgotsa a batho ba ba amegang a a sekasekiwa go tlhotlhomisa fa motho yoo a tshwanelwa ke madi a thuso a puso. Se, se bidiwa "tekotlhotlhomiso". Tirego ya go amogela madi a thuso ga e a tshwanela go tsaya sebaka se se fetang malatsi a mabedi morago ga kgoroso ya kopo.
Go na le mefuta e le meraro ya madi a thuso a bana:
A. Madi a thuso a kgodiso le tlhokomelo ya ngwana
B. Madi a thuso a tlamelo ya ngwana
C. Madi a thuso a tlhokomelo-ikaego
Ela tlhoko: Madi a thuso a neelwa baamogeladitshiamelo kgwedi ka kgwedi.
A. MADI A THUSO A KGODISO LE TLHOKOMELO YA NGWANA
Tlhaloso:
Madi a thuso a kgodiso le tlhokomelo ya ngwana a neelwa batsadi ba ngwana yo o leng ka fa tlase ga pabalelo ya bona go ya ka Molao wa Tlhokomelo ya Bana, wa 1983 (Molao wa 74 wa 1983).
Ditlhokego
Mokopi/ngwana o tshwanetse e be e le moagi wa mo Aforika Borwa ka motsi wa kopo.
Lekwaloitshupo le le amogelesegang la baakhoutu e e nang le didigiti di le 13 le tshwanetse go gorosiwa.
Taelo ya kgotla e e supang maemo a kgodiso le tlhokomelo e tshwanetse go gorosiwa.
Ngwana yo o leng ka fa tlase ga kgodiso le tlhokomelo o tshwanetse go fitlhelela ditlhokego tsa tekotlhotlhomiso, e leng bokana ka R12 720 ka ngwaga.
KWA O TSHWANETSENG GO DIRA KOPO YA MADI A THUSO KWA TENG
Dira kopo kwa Kantorong ya Katlaatleloloago e e fa gaufi le kwa mokopi a nnang kwa teng.
Fa bakopi ba tsofetse thata kgotsa ba lwala thata mo go ba reteledisang go ya kwa kantorong go dira kopo ya madi a thuso, leloko la lelapa kgotsa tsala e ka dira kopo mo boemong jwa bona.
Foromo ya kopo e tlile go tladiwa fa pele ga motlhankedi go tswa kwa Lefapheng.
Fa foromo ya kopo e setse e tladitswe, mokopi o tlile go neelwa setlankana.
Setlankana se, se tshwanetse go somarelwa-ke sesupo sa kopo.
Ga go na madi a a tshwanetseng go duelelwa kopo.
Fa kopo e sa dumelelwa ke Kantoro ya Katlaatleloloago, mokopi o tshwanetse go itsisewe ka lekwalo gore goreng kopo e gannwe.
Mokopi o na le tshwanelo ya go ikuela ka lekwalo kwa go Tona ya Katlaatleloloago mo porofenseng ya gaabo, go tlhalosa gore goreng a sa dumalane le tshwetso.
Boikuelo jo, bo tshwanetse go diriwa mo sebakeng sa malatsi a le 90 a kitsiso ya ditlamorago tsa kopo.
LETLHA LA KABO YA MADI A THUSO
Fa madi a thuso a dumeletswe, mokopi o tlile go duelwa go simolola ka letsatsi le kopo e gorositsweng ka lona.
FA KOPO YA MADI ATHUSO E GANNWE
Mokopi o tshwanetse go itsisewe ka lekwalo mabaka a a dirileng gore madi a thuso a ganwe, le ka ga tshwanelo ya gagwe ya go ikuela mo sebakeng sa malatsi a le 90 a kitsiso.
MEKGWA YA TUELO
Madi a thuso a ka duelwa ka mefuta e e latelang:
Dituelo tsa madi a mo seatleng
Didipositi tsa banka
Didipositi tsa banka tsa Dipoloko tsa Kantoro ya Poso
Tuelo kwa setheong
Ela tlhoko: Fa mokopi a sa kgone go tsaya madi a thuso, porokureitara e ka tlhophiwa go a tsaya gangwe le gape mo boemong jwa mokopi.
TSHEKEGO YA MADI A THUSO
Dintlha tse di latelang di ka dira gore madi a thuso a sekegiwe:
Diphetogo tsa maemo
Ditlamorago tsa tshekatsheko
Go retelelwa ke go dirisana fa madi a thuso a sekasekiwa
PUSETSO YA MADI A THUSO
Kopo e e malebana le pusetso ya madi a thuso e tshwanetse go gorosiwa mo sebakeng sa malatsi a le 90 a kemiso.
MABAKA A A BOTLHOKWA A A MALEBANA LE GO KHUTLA GA MADI A THUSO
Loso
Kamogelo kwa setheong sa puso
Madi a thuso ga a ise a tsewe mo dikgweding di le tharo ka tatelano
Paka ya bogole jwa nakwana e khutlile
Mokopi ga a yo mo Nageng sebaka sa dikgwedi di le thataro kgotsa go feta.
DITSHEKATSHEKO
Mokopi o tshwanetse go senola letseno lengwe le lengwe ka motsi wa kopo. Se, se tlile go thusa Lefapha malebana le go swetsa ka go sekasekiwa ga madi a thuso.Mokopi o tlile go isisewe mo sebakeng sa dikgwedi di le tharo ka nako ka ga letlha la tshekatsheko kgotsa ka ga letlha la bofelo la go tlhagisiwa ga setifikeiti sa botshelo.
B. MADI A THUSO A TLAMELO YA NGWANA
Madi a,a thuso a atolosediwa bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le somenngwe, ba ba leng ka fa tlase ga tlhokomelo ya motlhokomedi, gape a tlile go atolosiwa kgato ka kgato mo sebakeng sa dingwaga di le tharo go akaretsa bana ba ba leng ka fa tlase ga dingwaga di le 14, sekao:
/2005-ka fa tlase ga dingwaga di le 11
/2006-ka fa tlase ga dingwaga di le 14
Tlhaloso:
Madi a thuso a tlamelo ya ngwana a neelwa motlhokomedi yo o tlhokomelang ngwana yo o leng ka fa tlase ga dingwaga di le 11. Motlhokomedi ke motho mongwe le mongwe yo o rwalang maikarabelo a ditlhokwa tsa letsatsi le letsatsi tsa ngwana, e bile a amana kgotsa a sa amane le ngwana.
Ditlhokego:
Mokopi le mokapelo ba tshwanetse go fitlhelela ditlhokego tsa tekotlhotlhomiso, e leng bokana ka R9 600 ka ngwaga kwa ditoropong le bokana ka R13 200
kwa magaeng.
Ngwana le motlhokomedi ba tshwanetse e be e le baagi ba mo Aforika Borwa, e bile ba nna mo Aforika Borwa.
Mokopi e tshwanetse e be e le motlhokomedi wa ngwana yo o amegang.
Ngwana o tshwanetse a be a le ka fa tlase ga dingwaga di le 11.
Lekwaloitshupo la baakhoutu e e nang le didigiti di le 13 la motlhokomedi le setifikeiti sa botsalo se se nang le didigiti di le 13 sa ngwana di tshwanetse go gorosiwa.
Motlhokomedi ga a tshwanela go dira kopo ya bana ba eseng ba gagwe ka madi ba ba fetang thataro.
Ngwana ga a kitla a amogela madi a thuso fa e le gore-
motlhokomedi ga se moagi wa mo Aforika Borwa, motlhokomedi o amogela moputso go tlhokomela ngwana yo o amegang, ngwana o fetile dingwaga di le 11, motlhokomedi o setse a abetswe madi a thuso a ngwana, mokopi ga se motlhokomedi, kgotsa setheo se amogela moputso go tlhokomela ngwana.
C. MADI A THUSO A TLHOKOMELO-IKAEGO
Tlhaloso:
Madi a, a thuso a neelwa batsadi, batsadi ba ba godisang gape ba tlhokomela, balebeledi kgotsa bababaledi ba ngwana yo o magareng ga ngwaga o le 1 le dingwaga di le18 yo, ka ntlha ya bogole jo bo tseneletseng jwa mo tlhaloganyong le / kgotsa jwa mo mmeleng, a tlhokang tlhokomelo ya leruri..
Ditlhokego:
Mokopi o tshwanetse e be e le moagi wa mo Aforika Borwa, ntle le batsadi ba ba godisang gape ba tlhokomela.
Mokopi le ngwana ba tshwanetse ba be ba nna mo Aforika Borwa.
Ngwana o tshwanetse a be a le magareng ga ngwaga o le mongwe le dingwaga di le 18.
Pegelo ya tlhotlhomiso ya boitekanelo e e tlhomamisang bogole e tshwanetse go gorosiwa.
Mokopi, mokapelo le ngwana ba tshwanetse go fitlhelela ditlhokego tsa tekotlhotlhomiso e leng bokana ka R48 000 ka ngwaga malebana le motsadi le bokana ka R17 760 malebana le ngwana.
Ngwana wa tlhokomelo-ikaego ga a tshwanelwa go tlhokomelwa leruri mo setheong sa puso.
Lekwaloitshupo la baakhoutu e e nang le didigiti di le 13 la mokopi le setifikeiti sa botsalo se se nang le didigiti di le 13 sa ngwana di tshwanetse go gorosiwa.
